
Ponatshegelo Ya Rona
Mo Lenfield re rotloediwa ke:
- Re tshwanetse go nna le seabe mo ditirong tse di kgethegileng, mme ka dinako tsotlhe re leka ka natla go fitlhelela maemo a a kwa godimo ga tebelelo ya bareki ba rona mo madirelong a meepo le a selegae
- Go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go dira kgwebo
- Ka metlha re leka ka natal go matlafatsa kabelano ya kgwebo ya rona
- Go tlhama ditšhono tsa nnete mo badiring ba rona, bareki ba ba nang le seabe mo setšhabeng sa rona le baagi ba rona ka kakaretso.
- Go thusa setšhaba sa rona ka go tlhama ditiro, tlhabololo ya bokgoni le katiso.
Taelo Ya Rona
Mo Lenfield re leka ka natla go nna tlhopho ya ntlha ya ditlamo tsa meepo le tsa selegae le go tlhoma mokgwa wa intaseteri wa pabalesego, boleng le tiragatso.
Melao Ya Rona Ya Motheo

Pabalesego
Tlhoafalo ya rona ke pabalesego, le go netefatsa pabalesego ya badiri ba rona, bareki kgotsa badirimmogo le rona letsatsi le letsatsi ka go tsaya kgato le ka tsela e re dirang dilo ka yone`.

Tirisanommogo Ya Setlhopha
Jaaka maitlhomo a rona go godisa baagi ba selegae, setlhopha sa Lenfield ka botswapelo se thusa le go tshegetsa leloko lengewe le lengwe la setlhopha. Re rata boleng jwa botshepegi le go rotloetsa maloko otlhe a setlhopha go tsaya maikarabelo le go fitlhelela mongwe le mongwe go netafatsa fa re tlhabolola le go tlhokomela setlhopha sa ditoro.

Tshepiso Ya Rona
Ka dinako tsotlhe re dira tiro jaaka re tshepisitse mme leloko lengwe le lengwe le a itlama e seng fela mo maikaelelong a bone a kgwebo, mme gape le maikaelelo a setlhopha se se kopaneng le ponelopele.

Tlotlo
Re kgatalela setlhopha sa rona le baagi ba rona ba ba tlotlegang gape ka dinako tsotlhe re eletsa go ba abela mo go bonagalang e bile go tshwarega. Setlhopha sa rona ke se se ipelang, ka diporojeke tsa bone, lefelo le ba direlang mo go lone le didirisiwa tsa rona. Ka metlha re leka go tlogela boswa jo bo siameng le go tsamaya mo porojekeng e e nang le tlhaloganyo e e boitshegang le kgotsofalo mo tirong e e dirilweng sentle.

Botswerere
Tiro ya rona ya go nna le seabe mo porojekeng nngwe le nngwe e re e dirang ke e manontlhotlho, mme re tswelela go leka ka natla go tokafatsa mo dikarolong tsotlhe tsa tiragatso ya porojeke ya rona.