
Ka ga rona
Lenfield Earthmoving Pty e fana ka ditirelo tsa mo moepong le go tsosolosa meepo. Re setlamo se se tsamaisang tsa meepo mo gae, se beng ba sone e leng batho bantsho 100%, le go nna le rekoto e e se nang bolekanyetso mo maemong a meepo pholo le pabalesego. E thehilweng ka 1976, setlamo se simolotse jaaka kgwebo ya lelapa mme e dira jaaka Lenfield Construction, mme fa nako e ntse e ya, e ne ya gola go nna nngwe ya ditlamo tsa dirori tse di eteletseng pele mo kgaolong. E mo lefelong la Postmasburg mo Kapa Bokone, Lenfield Earthmoving e rata tlhabololo ya ikonomi ya loago. Re tlamela ka ditiro, katiso le tlhabololo ya bokgoni magareng ga baagi ba selegae mo dikgaolong tse re dirang mo go tsone.
Tsela ya rona ya go nna setlamo se mong wa sone e leng mosadi wa montsho 100%
Morago ga dingwaga di le masome a mane pedi (42) tsa katlego go tswa dikokomaneng ka bobedi, batshwaramatlotlo ba Lenfield bane ba tsaya tshwetso ya go fetisa thobane. Gone jaanong Lenfield beng ba yone ke batho bantsho botlhe 100% mme mongwe le mongwe wa bone o na le maitemogelo a a nang le dithuthego tse di maleba go isa Lenfield ko bokamosong jo botlhapileng. Gape batshwaramatlotlo ke karolo ya baeteledipele jwa setheo ka maemo a balaodi. Maitemogelo ano a tla fetisediwa kwa ditirong mme a neele bareki ba rona ditirelo tse dikgolo.