
Kopana le bakaedi

Mthuthuzeli (Thuthu) Daniels (40)
Rre Thuthu Daniels ke Moenjineri yo o kwadisitsweng seporofeshenale, yo o kwadisitsweng le Khansele ya Boenjenere ya Aforika Borwa. O na le maitemogelo a a fetang dingwaga di le some le borongwe (18) mo intasetering ya meepo. O na le maitemogelo a a tseneletseng le kitso ya meepo ya ka fa tlase ga lefatshe le kwa godimo. Gape o na le maitemogelo a go rekisa didirisiwa tsa meepo le taolo ya diporojeke.
Maitemogelo a gagwe a akaretsa ketane yotlhe ya boleng jwa meepo (meepo le mosola) go akaretsa dintlha tsa taolo ya tikologo jaaka go aga matamo le tsamaiso. Rre Daniels o na le maemo a a farologaneng mo intasetering ya meepo, go akarediwa go thapiwa semolao jaaka go ya ka ditlhokego tsa Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya Meepo, mme o thapilwe go nna Motsamaisi wa Moepo 3.1a. Maikaelelo a gagwe a mo pabalesegong, tlhagiso dikuno le tiragatso ya tokafatso, mme o na le digerata tsa BSC mo Meepong ya Boenjenere le digeratakgolo mo Boeteledipele jwa Kgwebo.

Kesaoleboga (Kesa) Thiba (32)
Mme Kesa Thiba o na le digerata mo Environmental Geography le Geology mme o na le maitemogelo a dingwaga di ka nna lesome (10) mo Botsamaising jwa Tikologo, Geology, Taolo ya Boleng le Pabalesego. O ne a dira mo madirelong a Teemane, Semente le Tshipi, a nna le seabe mo Laboratori, Boemogodimo le Meepo.
“Ke dumela le go ikamanya le melaometheo le molaotheo ya setheo ka go fana ka ditharabololo ka dinako tsotlhe gore badiri/bareki ba kgone go fitlhelela maitlhomomagolo a bone ka tsela e e babalesegileng le ka botswerere.”

Christo Olivier (44)
Ka maitemogelo a dingwaga di feta 25 mo intasetering ya meepo, Rre Christo Olivier ke porofešenale e e nang le bokgoni jo bo nonofileng jwa go aga dikamano tse di nonofileng tsa bareki le go neelana ka dipoelo tse di kgethegileng. Jaaka molaodi le motsamaise, o na le bokgoni jwa go rotloetsa kgolo le go nna le tlhotlheletso e e siameng mo setšhabeng. Go netefatsa katlego ya porojeke, Christo o beile ko setlhoeng pabalesego, tsamaiso le tsepamo.